Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Bua ka Ditiragalo Tsa Bosheng fa o Rera

Bua ka Ditiragalo Tsa Bosheng fa o Rera

Jesu o ne a bua ka ditiragalo tsa bosheng fa a ne a le mo bodireding. (Luk 13:1-5) Le wena o ka dira se se tshwanang go thusa batho gore ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi. Fa o sena go bua le mongwe ka mathata a a jaaka go itlamela, masetlapelo a tlholego, dikhuduego, batho ba ba tswakgotsweng ke diritibatsi kgotsa sengwe se se tshwentseng batho, mmotse potso e e tla dirang gore a akanye. O ka mmotsa jaana: “A o akanya gore mathata a a jaaka . . .  a tla fela?” kgotsa “O akanya gore ke eng se se ka rarabololang . . . ?” Go tswa foo, mmalele temana e e tsamaisanang le se lo ntseng lo tlotla ka sone. Fa a batla go itse mo go oketsegileng mmontshe bidio kgotsa mo neye kgatiso go tswa mo Lebokosong la go Ruta. Fa re ntse re leka go fitlhelela dipelo tsa batho ba re ba rerelang, re tshwanetse go “dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo.”—1Bk 9:22, 23.

Batho mo tshimong ya lona ba ka itumelela go tlotla ka eng?