Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dafide o akanyetsa kwa teng ka kgolagano e Jehofa a e dirileng le ene

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Jehofa o Dira Kgolagano le Dafide

Jehofa o Dira Kgolagano le Dafide

Jehofa o ne a solofetsa Dafide gore ga a kitla a tlosa bogosi mo losikeng la gagwe (2Sa 7:11, 12, ntlh.; w10 4/1 20 ¶3; bona setshwantsho se se mo khabareng)

Dintlha tsa kgolagano e Jehofa a neng a e dira le Dafide di ne tsa diragadiwa mo go Mesia (2Sa 7:13, 14; Bah 1:5; w10 4/1 20 ¶4)

Dilo tse Mesia a di dirang mo pusong ya gagwe di tla nnela ruri (2Sa 7:15, 16; Bah 1:8; w14 10/15 10 ¶14)

Letsatsi le ngwedi di re tlhomamisetsa gore puso ya ga Mesia e tla nnela ruri. (Ps 89:35-37) Nako le nako fa o di bona, akanya ka dilo tse Jehofa a tla di direlang wena le ba lelapa la gago a dirisa Bogosi jwa Gagwe.