Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

June 3-9

DIPESALEMA 45-47

June 3-9

Pina 27 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Jesu Keresete le mosadi wa gagwe e leng ba ba 144 000

1. Pina e e Buang ka Lenyalo la Kgosi

(10 mets.)

Pesalema 45 e bua ka lenyalo la kgosi ya Bomesia (Ps 45:1, 13, 14; w14 2/15 9-10 ¶8-9)

Lenyalo la kgosi le tla nna morago ga Aramagedona (Ps 45:3, 4; w22.05 17 ¶10-12)

Lenyalo leno le tla dira gore batho botlhe ba segofadiwe (Ps 46:8-11; it-2-E 1169)


IPOTSE: ‘A pelo ya me e ‘ntlhotlheletsa’ go rerela batho dikgang tse di molemo ka Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete?’​—Ps 45:1.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 45:16​—Temana eno e a re botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa Paradaiseng? (w17.04 11 ¶9)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 45:1-17 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. (lmd thuto 1 ntlha 3)

5. Puo

(5 mets.) ijwbv 26​—Setlhogo: Pesalema 46:10 e Kaya Eng? (th thuto 18)

6. Tlhalosa Se o Se Dumelang

(4 mets.) Pontsho. g 12/10 22-23​—Setlhogo: O Ikutlwa Jang ka go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang? (lmd thuto 6 ntlha 5)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 131

7. Tswelela o Bontsha Motho yo o Nyalaneng le Ene Gore O a Mo Rata

(10 mets.) Motlotlo.

Manyalo a itumedisa. (Ps 45:13-15) Gantsi letsatsi le batho ba nyalanang ka lone ba le tsaya le le botlhokwa e bile le a ba itumedisa. Mme gone, ke eng se banyalani ba ka se dirang gore ba nne ba itumetse mo lenyalong la bone?​—Mor 9:9.

Ba ka bontshana ka dilo tse ba di dirang gore ba a ratana. Go tla bo go le molemo gore banyalani ba latele sekao sa ga Isake le Rebeka. Baebele e re bolelela gore fa ba sena go fetsa dingwaga di le 30 ba ntse ba nyalane ba ne ba sa ntse ba bontshana gore ba a ratana. (Ge 26:8) Ke eng se se ka thusang banyalani gore le bone ba dire se se tshwanang?

Tshameka BIDIO ya Go Itumelela Lenyalo: Bontshanang Gore lo a Ratana. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Ke eng se se ka dirang gore banyalani ba se ka ba tlhole ba atamalane jaaka pele?

  • Ke eng se banyalani ba ka se dirang gore molekane yo mongwe a ikutlwe a ratiwa e bile a tsewa a le botlhokwa?​—Dit 20:35

8. Dilo Tse Phuthego e Tlhokang go di Ela Tlhoko

(5 mets.)

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 111 le Thapelo