Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

May 13-19

DIPESALEMA 38-39

May 13-19

Pina 125 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. O se Ka wa Ikutlwa Molato ka Tsela e e Feteletseng

(10 mets.)

Fa motho a ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng go nna e kete o rwele morwalo o o bokete tota (Ps 38:3-8; w20.11 27 ¶12-13)

Go na le go tlhoma mogopolo mo diphosong tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, ikemisetse go dira dilo tse di itumedisang Jehofa (Ps 39:4, 5; w02 11/15 20 ¶1-2)

Rapela le fa tsela e o ikutlwang ka yone e dira gore go nne thata go dira jalo (Ps 39:12; w21.10 15 ¶4)

Fa o nna o gopola diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng gopola gore Jehofa o itshwarela batho ba ba ikwatlhayang “a gololesegile.”​—Isa 55:7.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 39:1​—Ke mo maemong afe a re ka tlhokang go dirisa molaomotheo wa go ‘tswala melomo ya rona’? (w22.09 13 ¶16)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 38:1-22 (th thuto 2)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Nna Maitseo​—Se Paulo a Ileng a se Dira

(7 mets.) Motlotlo. Tshameka BIDIO, lo bo lo tlotla ka lmd thuto 5 ntlha 1-2.

5. Nna Maitseo​—Se Paulo a Ileng a se Dira

(8 mets.) Motlotlo. Dirisa dintlha tse di tswang mo boroutšhareng jwa lmd thuto 5 ntlha 3-5 le karolo ya “Bona Le.”

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 44

6. Dilo Tse Phuthego e Tlhokang go di Ela Tlhoko

(15 mets.)

7. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 84 le Thapelo