Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

May 20-26

DIPESALEMA 40-41

May 20-26

Pina 102 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Goreng re Tshwanetse go Thusa ba Bangwe?

(10 mets.)

Go thusa ba bangwe go dira gore re itumele (Ps 41:1; w18.08 22 ¶16-18)

Jehofa o thusa batho ba ba thusang ba bangwe (Ps 41:2-4; w15 12/15 24 ¶7)

Fa re thusa ba bangwe re dira gore Jehofa a galalediwe (Ps 41:13; Dia 14:31; w17.09 12 ¶17)

IPOTSE: ‘A go na le mongwe mo phuthegong yo nka mo thusang go dirisa JW Library?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 40:5-10​—Thapelo ya ga Dafide e re ruta eng ka go tlhaloganya le go amogela gore Jehofa ke Molaodimogolo? (it-2-E 16)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 40:1-17 (th thuto 12)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Simolola motlotlo le motho yo o itumetseng. (lmd thuto 2 ntlha 3)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Simolola motlotlo le motho yo o sa itumelang. (lmd thuto 3 ntlha 5)

6. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) lff thuto 14 ntlha 6. Tlotla le moithuti yo o tshabang go arabela kwa phuthegong ka ntlha nngwe e e tswang mo setlhogong se se reng “Baka Jehofa mo Phuthegong” mo karolong ya “Dintlha Tse Dingwe”. (th thuto 19)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 138

7. Direla Bagodi Dilo Tse di Molemo

(15 mets.) Motlotlo.

Jehofa o anaanela tiro yotlhe e bagodi ba e dirang mo phuthegong, mme le rona re e anaanela fela thata. (Bah 6:10) Mo dingwageng tse di fetileng ba ile ba ruta, ba katisa le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Gongwe le wena o ka akanya ka ditsela tse ba ileng ba go thusa ka tsone. O ka bontsha jang gore o anaanela dilo tsotlhe tse ba di dirileng mo phuthegong le tse ba nnang ba di dira?

Tshameka BIDIO ya ‘Direlang Bakaulengwe se se Molemo.’ Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Ke eng se Mokaulengwe Ji-Hoon a se ithutileng mo go Mokaulengwe Ho-jin Kang?

  • Ke eng se o se ratang ka bagodi ba ba mo phuthegong ya gago?

  • Ke eng se re ithutang sone mo setshwantshong sa Mosamaria yo o molemo?

  • Goreng o akanya gore e ne e le kakanyo e e molemo gore Ji-Hoon a laletse ba bangwe go tla go thusa Mokaulengwe Ho-jin Kang?

Fa re ipha nako ya go akanya ka dilo tse bagodi ba di tlhokang, re ka bona ditsela tse dintsi tsa go ba thusa. Fa o bona mogodi a tlhoka thuso, leka go bona gore o ka mo thusa jang.​—Jak 2:15, 16.

Bala Bagalatia 6:10. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Re ka direla bagodi “se se molemo” mo phuthegong ka ditsela dife?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 8 le Thapelo