Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

May 27–June 2

DIPESALEMA 42-44

May 27–June 2

Pina 86 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Dirisa Ditaelo Tse re di Newang ke Jehofa

(10 mets.)

Fa go kgonega, dirisa tshono nngwe le nngwe go obamela Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi (Ps 42:4, 5; w06 6/1 9 ¶4)

Pele o bala Lefoko la Modimo, rapela (Ps 42:8; w12 1/15 15 ¶2)

Letla gore Baebele e go kaele mo go sengwe le sengwe se o se dirang mo botshelong (Ps 43:3)

Dilo tse re ithutang tsone di re thusa gore re kgone go itshokela diteko le gore re kgone go tswelela re direla Jehofa botshelo jwa rona jotlhe.​—1Pe 5:10; w16.09 5 ¶11-12.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 44:19​—Mafoko a a reng “kwa bophokoje ba nnang gone” a ka tswa a bua ka eng? (it-1-E 1242)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 44:1-26 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Buelela thuto ya Baebele. (lmd thuto 5 ntlha 5)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(5 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mo laletse go tla go reetsa puo ya phatlalatsa. Buelela bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? (lmd thuto 7 ntlha 5)

6. Puo

(3 mets.) lmd dintlha tse di oketsegileng A ntlha 4​—Setlhogo: Batho ba Tla Bo ba Se na Boleo e Bile ba sa Lwale. (th thuto 2)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 21

7. Nna Botlhale fa o Tlhopha Tiro Kgotsa Khoso e o Batlang go e Dira

(15 mets.) Motlotlo.

Basha, a lo setse lo akantse ka se lo batlang go se dira fa lo sena go fetsa sekolo? O ka tswa o akantse ka go dira tiro nngwe e e tla go letlang gore o kgone go nna mmulatsela. Gongwe o akantse ka khoso e o ka e dirang gore o nne le bokgoni jwa go dira tiro eo, laesense kgotsa diploma. Eno ke nako e e botlhokwa mo botshelong jwa gago! Le fa go ntse jalo, o ka ikutlwa o tlhakane tlhogo ka ntlha ya dilo tse dintsi tse o ka di dirang kgotsa o ka ikutlwa e kete o tshwanetse go dira sengwe se se tla itumedisang batho ba bangwe. Ke eng se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di botlhale?

Bala Mathaio 6:32, 33. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Goreng o tshwanetse go itse gore o ipeetse mekgele efe mo phuthegong pele o dira tshwetso ya gore o tla dira tiro efe kgotsa gore o tla dira khoso efe kwa sekolong?

  • Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go dirisa molaomotheo o o mo go Mathaio 6:32, 33?​—Ps 78:4-7

Go batla go huma kgotsa go itsege go ka dira gore o dire ditshwetso tse di sa siamang. (1Jo 2:15, 17) Gopola gore go nna le madi a le mantsi thata go ka dira gore go nne thata gore motho a amogele molaetsa wa Bogosi jwa Modimo. (Luk 18:24-27) Go ka nna thata gore o nonotshe botsala jwa gago le Jehofa, fa kafa letlhakoreng le lengwe o batla go huma.​—Mat 6:24; Mar 8:36.

Tshameka BIDIO ya O se Ka wa Ikanya Dilo Tse di sa Nneleng Ruri!​—Dikhumo. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  •   Diane 23:4, 5 e ka go thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 47 le Thapelo