Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TORA YA TEBELO

Potso: O ne o ka reng fa mongwe a ka go botsa gore go ntse jang kwa legodimong?

Temana: Joh 8:23

Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa se Jesu le Rraagwe ba ileng ba se senola ka legodimo.

RUTA BOAMMAARURI

Potso: A boporofeti jono jwa Baebele bo tlhalosa se re se bonang se diragala gompieno?

Temana: 2Ti 3:1-5

Boammaaruri: E re ka boporofeti jwa Baebele jwa metlha ya bofelo bo diragadiwa gompieno, re ka tshepa gore boporofeti jwa isagwe bo tla diragadiwa mo nakong e e tlang.

KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITHUTA BAEBELE? (Bidio)

Matseno: Re tsamaya re bontsha batho bidio e khutshwane e e ba rutang gore ba ka bona kae dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong. [Tshameka bidio.]

Fa o mo naya kgatiso: Buka eno e e theilweng mo Baebeleng e bua ka se Modimo a tla se dirang go baakanya mathata a a mo lefatsheng. [Mo neye buka ya Baebele e Ruta Eng.]

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.