Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Dirisa Jang Buka ya Baebele e re Ruta Eng?

O ka Dirisa Jang Buka ya Baebele e re Ruta Eng?

Buka ya Baebele e re Ruta Eng?, e e tla nnang gone ka Setswana mo nakong e e tlang, e tshwana le ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Dibuka tseno ka bobedi tse di dirisediwang go ruta batho Baebele, di ruta boammaaruri ka tsela e e tshwanang. Pharologano ke gore buka ya Baebele e re Ruta Eng? e dirisa mafoko le ditlhaloso tse di motlhofo. E diretswe go thusa batho ba ba palelwang ke go tlhaloganya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Buka ya Baebele e re Ruta Eng? ga e na karolo ya dintlha tse di oketsegileng mme e na le dintlha tse di kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe tse di tlhalosang mafoko mangwe a a mo kgaolong eo. Dikgaolo tsa yone ga di na dipotso tse di simololang setlhogo kana lebokose la dintlha tsa poeletso. Go na le moo, dikgaolo tsa yone di konela ka go sobokanya boammaaruri jwa Baebele jo bo tlhalositsweng mo kgaolong eo. Fela jaaka re kgona go naya batho ba ba kgatlhegang buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? ka nako nngwe le nngwe le fa e sa tsamaisiwe ka kgwedi eo, re ka dira se se tshwanang le ka buka eno. Re ka dirisa jang dintlha tse di mo bukeng ya Baebele e re Ruta Eng? fa re tshwere thuto ya Baebele?

TSHOBOKANYO: Mokgwa o re tlwaetseng go o dirisa wa go bala serapa re bo re botsa potso fa re dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? o bereka sentle fa re ithuta le batho. Jaanong a re re motho yo o tshwereng thuto le ene ga a itse puo e lo tshwereng thuto ka yone kgotsa ga a itse go bala sentle. Fa go le jalo, o ka nna wa dirisa buka ya Baebele e re Ruta Eng?, o dirisa dintlha tse di sobokanyang kgaolo nngwe le nngwe go tshwara thuto le ene o bo o mo kgothaletsa gore a ipalele kgaolo eo a le nosi. Karolo nngwe le nngwe ya dintlha tseno e ka dirisiwa go tshwara thuto le fa e ka nna ka metsotso e le 15. E re ka ditshobokanyo tsa dikgaolo di sa akaretse dintlha tse di tlhagelelang mo kgaolong eo, o tshwanetse go baakanyetsa sentle o akanyeditse seemo sa moithuti wa gago. Fa e le gore lo tshwara thuto lo dirisa dikgaolo tsa buka eno, lo ka dirisa ditshobokanyo go ikgopotsa se lo se ithutileng.

DINTLHA TSE DI KWA BOFELONG: Mafoko a a tlhalosiwang mo dintlheng tse di kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe a rulagantswe tatelano go ya ka tsela e a tlhagelelang ka yone mo dikgaolong. Go tla tswa mo morutising gore a o tla dirisa dintlha tseno fa a tshwere thuto mo bukeng ya Baebele e re Ruta Eng?