Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 JOHANE 1-13; 3 JOHANE 1-14JUDE 1-25

Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring

Re Tshwanetse go Lwela go Nna mo Boammaaruring

Jude 3

Jesu o ne a re: “Itekeng ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane.” (Luk 13:24) Mafoko a ga Jesu a raya gore re tshwanetse go dira ka natla gore re amogelwe ke Modimo. Monnawe Jesu e bong Jude, le ene o ne a kwala se se tshwanang. O ne a re re tshwanetse go lwa ka thata re lwela tumelo ya rona. Re tlhoka go dira ka natla gore re dire dilo tse di latelang:

  • Go gana boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Jude 6, 7

  • Go tlotla ba ba re eteletseng pele mo phuthegong.—Jude 8, 9

  • Go nonotsha “tumelo ya [rona] e e boitshepotshepo” ka Lefoko la Modimo.—Jude 20, 21