Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | TSHENOLO 1-3

“Ke Itse Ditiro Tsa Gago”

“Ke Itse Ditiro Tsa Gago”

1:20; 2:1, 2

  • “Dinaledi tse supa”: Bagolwane ba ba tloditsweng gape bagolwane botlhe mo diphuthegong

  • “Mo seatleng sa [ga Jesu] sa moja”: Dinaledi tsotlhe di ka fa tlase ga taolo, maatla le kaelo ya ga Jesu. Fa mogolwane mongwe a sa dire dilo sentle, Jesu o tla mo thusa ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe

  • “Ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa”: Diphuthego tsa Bokeresete. Diphuthego tsa Bokeresete di phatsimisa lesedi la boammaaruri le le tswang kwa Modimong fela jaaka setlhomo sa lobone se se mo motlaaganeng se phatsimisa lesedi. (Mat 5:14) Jesu o ‘tsamaya mo gare ga’ ditlhomo tsa lobone. Seno se raya gore o bona sengwe le sengwe se se diregang mo diphuthegong tsotlhe.