Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o Itse Se re Se Tlhokang

Jehofa o Itse Se re Se Tlhokang

Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o re “naya dijo ka nako e e tshwanetseng. Ka jalo, e re ka Jehofa a kaela motlhanka yono o itse se re se tlhokang. (Mat 24:45) Gape re bona seo kwa dikopanong le mo dipokanong tsa mo gare ga beke.

LEBANG BIDIO YA, PEGO YA 2017 YA KOMITI E E RUTANG, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke mang yo re tshwanetseng go mo galaletsa ka ntlha ya dikopano tse re nnang le tsone, mme goreng re tshwanetse go dira jalo?

  • Tiro ya go baakanyetsa kopano e simolola leng?

  • Ditlhogo tsa kopano di tlhophiwa jang?

  • Ke tiro efe e e diriwang fa go baakanyediwa dikopano?

  • Mekgwa ya go ithuta ya kwa Gileade e dirisiwa jang mo dipokanong tsa mo gare ga beke?

  • Mafapha a farologaneng a thusana jang go baakanyetsa bukana ya botshelo le bodiredi?

O ikutlwa jang ka dilo tse Jehofa a go nayang tsone gore tumelo ya gago e nne e nonofile?