Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo

Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo

Lokwalo lwa 2 Bakorintha 9:7 la re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” Gompieno go na le mekgwa e le mentsi ya go ntsha meneelo ka Internet gore re tshegetse tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo re nnang teng kgotsa mo lefatsheng lotlhe.

LEBANG BIDIO YA, GO NTSHA MONEELO O DIRISA INTERNET, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATENG:

  • Re ka bona jang tshedimosetso ya go ntsha meneelo gore re itse mekgwa e naga ya rona e e dirisang?

  • Go ntsha meneelo ka Internet go thusitse ba bangwe jang?

  • Ke ditsela dife tse re ka di dirisang go ntsha meneelo?

  • Re ka dira eng fa re sa tlhaloganye gore mokgwa ono o mosha wa go ntsha meneelo o bereka jang?