Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O se Ka wa Letlelela Dilo Tse Batho ba di Dirang Gore di Laole Dithulaganyo Tsa Gago Tsa Lenyalo

O se Ka wa Letlelela Dilo Tse Batho ba di Dirang Gore di Laole Dithulaganyo Tsa Gago Tsa Lenyalo

Bakeresete ba ba ipaakanyetsang go nyalana, ba tlhoka go dira ditshwetso tse dintsi. Ba ka raelesega go dira gore lenyalo la bone le nne la maemo a a kwa godimo jaaka batho ba tlwaetse go dira. Ba lelapa, ba masika le ditsala ba ka tla ka dikakantsho tsa gore o ka dira lenyalo la gago jang ba ithaya ba re ba a go thusa. Ke melaometheo efe e e tla thusang Bakeresete go rulaganya letsatsi la bone la lenyalo ka tsela e e tla dirang gore ba nne le segakolodi se se phepa e bile ba sa ikwatlhaele sepe?

LEBANG BIDIO YA, MANYALO A A TLOTLOMATSANG JEHOFA, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Melaometheo e e latelang e thusitse Thato le Palesa jang?

  • Goreng Bakeresete ba ba tlogang ba nyalana ba tshwanetse go tlhopha Mokeresete yo o gatetseng pele mo phuthegong gore e nne “mokaedi wa mokete”?—Joh 2:9, 10.

  • Ke mabaka afe a a dirileng gore Thato le Palesa ba dumalane ka ditshwetso tse ba di dirileng?

  • Ke mang yo o ikarabelelang ka go dira ditshwetso ka dithulaganyo tsa kwa Holong ya Bogosi le kwa moletlong wa lenyalo?—w06 10/15 25 ¶10.