Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Se re Se Akanyang se ka Bontsha Gore re a Ikanyega

Se re Se Akanyang se ka Bontsha Gore re a Ikanyega

Re bontsha gore re a ikanyega mo go Jehofa ka dilo tse re di buang le tse re di dirang. Gape re ka bontsha gore re a ikanyega le ka dilo tse re di akanyang. (Ps 19:14) Ke lone lebaka la go bo Baebele e re kgothaletsa go akanya ka dilo tse di boammaaruri, tse di botlhokwa, tse di siameng, tse di phepa, tse di rategang, tse di buiwang bontle, tse di molemo le tse di tshwanelwang ke pako. (Baf 4:8) Ka dinako dingwe, re ka akanya ka dilo tse di sa siamang re sa ikaelela. Mme gone fa re le boikgapo re tla tlogela go akanya ka dilo tse di bosula re bo re akanya ka dilo tse di siameng. Fa re laola se re se akanyang seo se ka re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di ka utlwisang Jehofa botlhoko.—Mar 7:21-23.

Mo tlase ga ditemana tse di latelang, kwala dilo tse re tshwanetseng go tila go akanya ka tsone:

Bar 12:3

Luk 12:15

Mat 5:28

Baf 3:13