Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Beela Sengwe Kwa Thoko”

“Beela Sengwe Kwa Thoko”

Re tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go ntsha meneelo ka metlha. Ke sone se moaposetoloi Paulo a ileng a re kgothaletsa go se dira fa ne a re re nne re “beela sengwe kwa thoko.” (1Bk 16:2) Fa re latela kgakololo eno re tla bo re tshegetsa kobamelo ya boammaaruri e bile re tla itumela. Le fa re ka tswa re akanya gore meneelo e re e ntshang ga e botlhokwa, Jehofa ene o a e lebogela ka gonne re bontsha gore re mo tlotla ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo.—Dia 3:9.

LEBANG BIDIO YA RE LEBOGELA MENEELO YA LONA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Go baakanya meneelo e re tla e ntshang go sa le gale go re solegela molemo jang?

  • Ke dithulaganyo dife tse bangwe ba di dirileng gore ba ‘beele sengwe kwa thoko’?