Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

December 23-29

PESALEMA 119:121-176

December 23-29

Pina 31 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Re ka Tila Jang go Ikutlwisa Botlhoko?

(10 mets.)

Rata melao ya Modimo (Ps 119:127; w18.06 17 ¶5-6)

Tlhoa se se bosula (Ps 119:128; w93 4/15 17 ¶12)

Reetsa Jehofa mme o tile diphoso tsa yo o “se nang maitemogelo” (Ps 119:130, 133; Dia 22:3)

IPOTSE: ‘Ke eng se ke tlhokang go se dira gore ke rate melao ya Modimo kgotsa ke tlhoe se se bosula?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 119:160​—Go ya ka temana eno, ke eng se re tshwanetseng go tlhatswega pelo ka sone? (w23.01 2 ¶2)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. (lmd thuto 1 ntlha 5)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Bontsha mong wa ntlo gore a ka bona jang tshedimosetso e a ka e kgatlhegelang mo jw.org. (lmd thuto 8 ntlha 3)

6. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) Tlotla le motho yo o ithutang Baebele le ene ka lebaka la go bo a sa tlhole a tla kwa dipokanong ka metlha. (lmd thuto 12 ntlha 4)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 121

7. O se Ka wa Letlelela Madi Gore a go Bakele Ditlhabi

(15 mets.) Motlotlo.

Batho ba ba ratang madi “ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1Ti 6:9, 10) Re ka ikutlwisa botlhoko go sa tlhokege fa re rata madi le fa re a letlelela gore a laole matshelo a rona. A re boneng ditlamorago tsa go dira jalo.

  • Re ka se kgone go nna le kamano e e gaufi le Jehofa.​—Mat 6:24

  • Re ka se kgotsofalele madi a re nang le one.​—Mor 5:10

  • Re ka iphitlhela re dira dilo tse di sa siamang jaaka go bua maaka, go utswa kgotsa go tsietsa fa re ka letlelela madi gore a laole. (Dia 28:20) Fa re dira sengwe se se sa siamang, seno se tla dira gore re ikutlwe molato, se senye leina la rona e bile se tla dira gore Jehofa a se ka a re amogela

Bala Bahebera 13:5, o bo o botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Gore re tile go ikutlwisa botlhoko re tshwanetse go leba madi jang, goreng o rialo?

Le fa re sa rate madi, fa re sa a dirise sentle re tlile go ikutlwisa botlhoko.

Tshameka BIDIO ya O ka Dirisa Jang Madi Sentle? Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Goreng o tshwanetse go dira budget mme o ka e dira jang?

  • Goreng go le molemo go boloka madi?

  • Goreng go le botlhale go tila dikoloto?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 101 le Thapelo