Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe

Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ile a rapelela gore barutwa ba gagwe ba nne “seoposengwe.” (Joh 17:23) Re ka kgona go nna seoposengwe fa fela re ratana, ka gonne lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1Bak 13:5.

SE O KA SE DIRANG:

  • Etsa Jehofa ka go senka dilo tse di molemo mo go ba bangwe

  • Itshwarele ba bangwe o gololesegile

  • Fa lo sena go rarabolola bothata bongwe, o se ka wa tsosa di letseng.—Dia 17:9

LEBANG BIDIO YA ‘RATANANG’—LO SE KA LWA NNELA GO GOPOLA KUTLWISOBOTLHOKO, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mo karolong ya ntlha ya bidio, Neo o ile a bontsha jang gore o ne a ‘gopotse kutlwisobotlhoko’?

  • Mo karolong ya bobedi ya bidio, Neo o ile a fenya boemo joo jang?

  • Neo o ile a dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

Fa re boloka sekgopi, ke mang yo o utlwang botlhoko thata?