Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Ipeleng le Boammaaruri

Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Ipeleng le Boammaaruri

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Re tshwanetse go etsa Jesu ka go ruta batho boammaaruri ka ditsholofetso tsa Modimo. (Joh 18:37) Gape re tshwanetse go ipelela boammaaruri, go bo bua le go akanya ka dilo tse di boammaaruri, le fa batho mo lefatsheng ba sa dire jalo.—1Bak 13:6; Baf 4:8.

SE O KA SE DIRANG:

  • Se reetse batho ba ba sebang mme le wena o se ka wa seba.—1Bath 4:11

  • O se ka wa itumelela go bona yo mongwe a wetswe ke mathata

  • Itumelele go utlwa ka dilo tse di agang le tse di kgothatsang

LEBANG BIDIO YA RATANANG’—LO SE KA LWA IPELELA TSHIAMOLOLO MME IPELENG LE BOAMMAARURI, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Dimpho o ile a bontsha gore o ‘ipelela tshiamololo’ ka tsela efe?

  • Atsile o ile a dira eng gore ene le Dimpho ba tlotle ka dilo tse di agang?

  • Ke dilo dife tse di molemo tse re ka tlotlang ka tsone?

Ipelele boammaaruri mme o se ka wa ipelela tshiamololo