Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Se Dire Jaana fa o Tshwere Thuto ya Baebele

Se Dire Jaana fa o Tshwere Thuto ya Baebele

Go Bua Thata: O se ka wa akanya gore o tshwanetse go tlhalosa sengwe le sengwe. Jesu o ne a dirisa dipotso go thusa batho go akanya le gore ba bone dikarabo tse di siameng. (Mat 17:24-27) Dipotso di dira gore thuto e nne le botshelo e bile di go thusa go bona se moithuti a se tlhaloganyang le se a se dumelang. (be 253 ¶2-3) Fa o botsa potso, emela karabo ka bopelotelele. Fa moithuti a sa araba potso sentle, go na le gore o mmolelele karabo, mmotse dipotso tse dingwe go mo thusa go bona karabo e e siameng. (be 238 ¶1-2) O se ka wa bua ka lobelo lo lo tla dirang gore moithuti a palelwe ke go tlhaloganya dintlha tse disha.—be 230 ¶4.

Go Dira Dilo Thata: Leka go se bue ka sengwe le sengwe se o se itseng ka kgang e lo tlotlang ka yone. (Joh 16:12) Tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono tsa serapa. (be 226 ¶4; 227 ¶1) Tota le fa go na le dintlha tse di kgatlhang, di ka dira gore lo tswe mo dintlheng tsa konokono. (be 235 ¶3) Fa moithuti a tlhaloganya, fetelang kwa serapeng se se latelang.

O se Ka wa Direla go Fetsa: Maikaelelo a rona ke go ama batho dipelo, e seng go direla go fetsa. (Luk 24:32) Dirisa maatla a Lefoko la Modimo ka go tlhoma mogopolo mo ditemaneng tsa botlhokwa mo serapeng. (2Bak 10:4; Bah 4:12; be 144 ¶1-3) Dirisa dipapiso tse di tlhaloganyegang motlhofo. (be 245 ¶2-4) Akanyetsa dikgwetlho tse moithuti a lebaneng le tsone, se a se dumelang, o bo o dira gore dintlha tsa thuto di mo lebagane. Botsa dipotso di tshwana le tseno: “O ikutlwa jang ka se o se ithutang fano?” “Ke eng se o se ithutang ka Jehofa fano?” “O solegelwa molemo jang ke go dirisa dikakantsho tseno?”—be 238 ¶3-5; 259 ¶1.