Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Kgothaletsa ba ba Kgatlhegelang Boammaaruri go Tla Dipokanong

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Kgothaletsa ba ba Kgatlhegelang Boammaaruri go Tla Dipokanong

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Dipokano di re naya tshono ya go ‘opelela Jehofa’ le go mo ‘baka’ ka metlha. (Pes 149:1) Kwa dipokanong, re rutiwa go dira thato ya Modimo. (Pes 143:10) Baithuti ba Baebele le batho ba ba kgatlhegang gantsi ba gatela pele ka bonako fa ba simolola go ya dipokanong.

SE O KA SE DIRANG:

  • Laletsa motho ka bonako jo bo ka kgonegang. Ga o tlhoke go emela gore motho yoo e nne thuto ya Baebele pele o ka mo laletsa.—Tsh 22:17

  • Tlhalosetsa motho yo o kgatlhegang gore go diragalang kwa dipokanong le gore go tla bo go tlotliwa ka eng kwa pokanong e e latelang. Dilo tse di ka go thusang mo ntlheng eno: taletso ya dipokano tsa phuthego, bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi?, le thuto 5 le thuto 7 tsa boroutšhara jwa Thato ya ga Jehofa

  • Mo thuse. A motho yo o kgatlhegang o tlhoka sepalangwa go ya dipokanong kgotsa o tlhoka thuso ka go tlhopha diaparo tse di siameng? Dula le ene kwa dipokanong mme lo dirise dikgatiso tsa gago mmogo. Dira gore a itsane le ba bangwe mo phuthegong