Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Fa o Bulelwa ke Ngwana

Fa o Bulelwa ke Ngwana

Fa re bulelwa ke ngwana, re tshwanetse go kopa go bua le batsadi ba gagwe. Seno se tla bo se bontsha gore re tlotla batsadi. (Dia 6:20) Fa ngwana a re re tsene go ka nna botlhale gore re gane. Fa batsadi ba sa kgone go bua le rona kgotsa ba seyo, re tshwanetse go boa ka nako e nngwe.

Tota le fa ngwana a setse a godile, gongwe a le mo dingwageng tsa bolesome, re sa ntse re tlhoka go bua le batsadi ba gagwe. Fa ba seyo re ka mmotsa gore a batsadi ba gagwe ba mo letla go bala dikgatiso tsa rona. Fa go le jalo, re ka mo tlogelela kgatiso kgotsa ra mmolelela ka jw.org.

Fa re boela kwa mosheng yo o bontshitseng kgatlhego, re tshwanetse go kopa go bua le batsadi ba gagwe pele. Seno se tla re letla gore re tlhalose lebaka la go bo re le koo e bile se tla dira gore re tlotle le bone ka kgakololo e e mo Baebeleng e e malebana le malapa. (Pes 119:86, 138) Go bontsha batsadi ba bone gore re a ba tlotla, go tla re naya ditshono tsa go rerela lelapa lotlhe dikgang tse di molemo.—1Pe 2:12.