Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | PESALEMA 119

“Tsamaya mo Molaong wa ga Jehofa”

“Tsamaya mo Molaong wa ga Jehofa”

Go tsamaya mo molaong wa ga Jehofa go kaya go ikobela ditaelo tsa ga gagwe ka go rata. Fela jaaka mopesalema, re na le dikao di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba ikobela ditaelo tsa ga Jehofa le go ikaega ka tsone.

Re ka bona boitumelo jwa boammaaruri fa re tsamaya ka molao wa Modimo

119:1-8

Joshua o ne a bontsha gore o ikanya kaelo ya ga Jehofa ka botlalo. O ne a itse gore o tlhoka go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe gore a itumele le gore a atlege

Lefoko la Modimo le re naya bopelokgale jo re bo tlhokang gore re lebane le diteko mo botshelong

119:33-40

Jeremia o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o ikanya Jehofa fa a ne a lebane le maemo a a thata. O ne a tshela botshelo jo bo motlhofo e bile a itshokile mo tirong ya gagwe

Go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo go dira gore re rere ka bopelokgale

119:41-48

Paulo o ne a sa tshabe go rerela ope molaetsa wa Modimo. O ne a ikanya Jehofa ka botlalo gore a mo thuse go rerela Mmusi Felise ka bopelokgale

Ke maemo afe a ke tlhokang go bontsha bopelokgale mo go one fa ke rerela ba bangwe?

  • Sekolo

  • Tiro

  • Lelapa

  • A Mangwe