Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o Thusa ba ba Kgobegileng Marapo

Jehofa o Thusa ba ba Kgobegileng Marapo

Ka dinako dingwe re a tle re kgobege marapo. Go ikutlwa jalo ga go reye gore ga re na tumelo mo go Jehofa. Tota e bile, Jehofa le ene o a tle a utlwe botlhoko ka dinako dingwe. (Ge 6:5, 6) Mme gone, re ka dira eng fa e le gore re nna re kgobegile marapo ka metlha?

Kopa Jehofa gore a go thuse. Jehofa o batla go itse tsela e re ikutlwang ka yone. O a itse fa re itumetse le fa re utlwele botlhoko. O tlhaloganya tsela e re ikutlwang le e re akanyang ka yone. (Ps 7:9b) Sa botlhokwa ke gore, Jehofa o a re kgathalela e bile o batla go re thusa go itshokela dilo tse di re utlwisang botlhoko le dipreshene.​—Ps 34:18.

Ela tlhoko tsela e o akanyang ka yone. Go kgobega marapo go ka dira gore re se ka ra itumela gape go ka ama botsala jwa rona le Jehofa. Ka jalo, re tla bo re dira sentle fa re sireletsa dipelo tsa rona.​—Dia 4:23.

LEBANG BIDIO YA BAKAULENGWE BA RONA BA TSHELA KA KAGISO LE FA BA NA LE DIPRESHENE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dilo dife tse Nikki a ileng a di dira gore a kgone go itshokela dipreshene?

  • Ke eng se se dirileng gore Nikki a lemoge gore o tlhoka go bona ngaka?​—Mat 9:12

  • Nikki o ne a ikaega ka Jehofa ka ditsela dife?