Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Lorato Lo lo Sa Kgaotseng Lwa Modimo lo re Sireletsa mo Maakeng a ga Satane

Lorato Lo lo Sa Kgaotseng Lwa Modimo lo re Sireletsa mo Maakeng a ga Satane

Satane o batla gore batho ba dumele gore Jehofa ke ene a dirang gore ba diragalelwe ke dilo tse di bosula (Job 8:4)

O batla gore re akanye gore Jehofa ga a na sepe le gore a re dumela mo go ene kgotsa jang (Job 9:20-22; w15 7/1 12 ¶3)

Lorato lo lo sa kgaotseng lwa ga Jehofa lo re thusa go bona maaka a ga Satane le go tswelela re ikanyega (Job 10:12; Ps 32:7, 10; w21.11 6 ¶14)

LEKA SENO: Gore o kgone go nonontsha tumelo ya gago fa o lebane le mathata, kwala kafa Jehofa a ileng a go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka gone o bo o nna o akanyetsa kwa teng ka seo.