Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ikaege ka Jehofa fa Mongwe a go Kgerisa

Ikaege ka Jehofa fa Mongwe a go Kgerisa

Fa mongwe a re kgerisa a ka re utlwisa botlhoko mo mmeleng kgotsa a dira gore re se ka ra itumela. Fa re itetla go tshosediwa ke batho ba ba leng kgatlhanong le kobamelo ya rona, seo se ka senya botsala jwa rona le Jehofa. O ka itshireletsa jang fa o kgerisiwa?

Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go itshoka fa ba ne ba kgerisiwa ka gonne ba ne ba ikaega ka Jehofa. (Ps 18:17) Ka sekai, Esethere o ne a senola maano a boferefere a Hamane a neng a na le one. (Est 7:1-6) Mme pele a dira jalo, o ile a bontsha gore o ikaega ka Jehofa ka go itima dijo. (Est 4:14-16) Jehofa o ne a segofatsa ditshwetso tse a neng a di dira e bile o ne a mo sireletsa le batho ba gagwe.

Basha, fa go na le mongwe yo o go kgerisang, kopa Jehofa gore a go thuse o bo o bua le mongwe yo o godileng, jaaka motsadi ka bothata jwa gago. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa fela jaaka a ile a thusa Esethere. Ke eng gape se o ka se dirang go itshoka fa o kgerisiwa?

LEBANG BIDIO YA GO NNA MOSHA​—NKA DIRA ENG FA KE KGERISIWA? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Basha ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Charlie le Ferin?

  • Batsadi ba ka ithuta eng mo go se Charlie le Ferin ba ileng ba se bua ka go thusa bana fa ba kgerisiwa?