Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

October 7-13

DIPESALEMA 92-95

October 7-13

Pina 84 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Ga go Na Sepe se se Itumedisang go Feta go Direla Jehofa!

(10 mets.)

Re tshwanetse go obamela Jehofa (Ps 92:1, 4; w18.04 26 ¶5)

O thusa batho ba gagwe go dira ditshwetso tse di siameng le gore ba itumele (Ps 92:5; w18.11 20 ¶8)

O tsaya ba ba mo direlang ba le botlhokwa le fa ba setse ba tsofetse (Ps 92:12-15; w20.01 19 ¶18)

IPOTSE: ‘Ke eng se se nthibelang go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 92:5​—Temana eno e tlhalosa jang botlhale jwa ga Jehofa? (cl 211 ¶18)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 94:1-23 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Batla tsela nngwe ya go bolelela motho yo o buang le ene ka tiro e o e dirang ya go ruta batho Baebele. (lmd thuto 5 ntlha 3)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Kopa go ithuta Baebele le motho yo o neng a sa batle go ithuta Baebele mo nakong e e fetileng. (lmd thuto 8 ntlha 4)

6. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) Tlotla le moithuti wa Baebele yo o sa direng diphetogo. (lmd thuto 12 ntlha 5)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 5

7. Se Batsadi Ba ka Se Dirang fa Bana ba Tlhobaela

(15 mets.) Motlotlo.

Batho ba ba direlang Jehofa le bone ba a tlhobaela kgotsa ba a tshwenyega fela thata. Ka sekai, go ne go na le dilo dingwe tse di neng di dira gore Dafide a tlhobaele, le gompieno go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore bakaulengwe ba rona ba tlhobaele. (Ps 13:2; 139:23) Ka maswabi basha le bone ba a tlhobaela. Ka dinako dingwe, go tlhobaela go ka dira gore ditiro tse ba tlwaetseng go di dira jaaka go ya sekolong kgotsa go ya dipokanong go nne thata mo go bone. Gape go tlhobaela go ka dira gore pelo ya motho e iteele ka bonako kgotsa a batle go ipolaya.

Mosha, fa e le gore o tlhobaela thata, bua le motsadi wa gago kgotsa mogolo mongwe yo o mo tshepang. Gape kopa Jehofa gore a go thuse. (Baf 4:6) Ntle le pelaelo o tla go thusa. (Ps 94:17-19; Isa 41:10) A re sekasekeng sekao sa ga Steing.

Tshameka BIDIO ya Jehofa o Ile a Ntlhokomela. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

• Ke temana efe e e ileng ya thusa Steing, mme ka ntlha yang?

• Jehofa o ile a mo thusa jang?

Batsadi, lo ka kgona go thusa bana ba lona gore ba kgone go lebana le ditlhobaelo ka go ba reetsa fa ba lo bolelela tsela e ba ikutlwang ka yone, ka go ba bolelela gore lo a ba rata lo bo lo ba bontsha seo ka ditiro, le ka go ba thusa go lemoga gore Jehofa o a ba rata. (Tit 2:4; Jak 1:19) Batsadi tswelelang lo ikaega ka Jehofa gore a lo gomotse le gore a lo neye maatla a lo a tlhokang gore lo kgone go thusa bana ba lona.

Ka dinako dingwe mongwe mo phuthegong o kgona go tlhobaela thata re sa itse kgotsa re sa tlhaloganye tsela e a ikutlwang ka yone. Mme gone, re ka thusa botlhe mo phuthegong gore ba ikutlwe ba ratiwa e bile ba amogelesega.​—Dia 12:25; Bah 10:24.

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 81 le Thapelo