Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

September 2-8

DIPESALEMA 79-81

September 2-8

Pina 29 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Bontsha Gore o Rata Jehofa ka Dilo Tse o di Dirang

(10 mets.)

Tila go dira dilo tse di tlontlololang Jehofa (Ps 79:9; w17.02 9 ¶5)

Bitsa leina la ga Jehofa (Ps 80:18; ijwbv 3 ¶4-5)

Jehofa o tla segofatsa botlhe ba ba mo reetsang le ba ba bontshang gore ba a mo rata (Ps 81:13, 16)

Fa re batla gore tsela e re itshwarang ka yone e tlotlomatse leina la ga Jehofa, re tshwanetse go bolelela ba bangwe gore re Basupi ba Gagwe

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 80:1​—Goreng leina la ga Josefa le ne le dirisiwa ka dinako dingwe fa go buiwa ka ditso tsotlhe tsa Baiseraele? (it-2-E 111)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(1 mots.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Kopa go ithuta Baebele le mong wa ntlo. (lmd thuto 4 ntlha 4)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 4 ntlha 3)

6. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(2 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 3 ntlha 3)

7. Fa o Dira Maeto a go Boela

(5 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Kopa go ithuta Baebele le mongwe yo o kileng a gana go ithuta mo nakong e e fetileng. (lmd thuto 8 ntlha 3)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 10

8. “Ba Tla Baka Leina la Me”

(15 mets.) Motlotlo.

Fa e sa le kwa tshingwaneng ya Edene, Satane o ntse a gogagoga leina la ga Jehofa mo seretseng. Fa e sa le ka nako eo, batho botlhe go akaretsa le baengele ba tshwanetse go dira tshwetso ya botlhokwa ya gore a ba tla femela leina la ga Jehofa kgotsa nnyaa.

Maaka mangwe a matala a Satane a a phasalatsang ka Modimo ke gore Jehofa o busa ka tshipi e bile ga a rate batho ba a ba busang. (Ge 3:1-6; Job 4:18, 19) Gape a re batho ba ba obamelang Modimo ga ba mo rate. (Job 2:4, 5) Mo godimo ga moo, o dirile gore dimilionemilione tsa batho ba dumele gore Jehofa ga se ene a bopileng lefatshe leno le lentle.​—Bar 1:20, 21.

Maaka ano a dira gore o ikutlwe jang? Ga go pelaelo gore maaka ano a dira gore o batle go buelela Jehofa. Jehofa o ne a itse gore batho ba gagwe ba tla batla go thusa go tlotlomatsa leina la gagwe. (Bapisa Isaia 29:23.) O ka thusa jang?

  • Thusa ba bangwe go itse le go rata Jehofa. (Joh 17:25, 26) Nna o ikemiseditse go dirisa tshono nngwe le nngwe go bontsha ba bangwe gore Modimo o gone le go ba ruta ka dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang.​—Isa 63:7

  • Rata Jehofa ka pelo yotlhe. (Mat 22:37, 38) Re tshwanetse go ikobela Jehofa e seng ka gonne seno se re solegela molemo, mme re tshwanetse go dira jalo ka gonne re batla go mo itumedisa.​—Dia 27:11

Tshameka BIDIO ya Lorato Ga lo Ke lo Fela Le fa . . . O Tsena Sekolo le Batho Ba ba Sa Tlotleng Melao ya Modimo. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Ariel le Diego ba ile ba femela leina la ga Jehofa jang?

  • Ke eng se se ba tlhotlheleditseng gore ba batle go femela Jehofa?

  • O ka etsa jang sekao sa bone?

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 90 le Thapelo