Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

September 23-29

DIPESALEMA 88-89

September 23-29

Pina 22 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Jehofa o Busa ka Tsela e e Molemo

(10 mets.)

Fa Jehofa a busa go tla nna le tshiamiso ya mmatota (Ps 89:14; w17.06 28 ¶5)

Batho ba ba tla busiwang ke Jehofa ba tla itumela (Ps 89:15, 16; w17.06 29 ¶10-11)

Jehofa o tla busa go ya go ile (Ps 89:34-37; w14 10/15 10 ¶14)

Fa re akanya kwa teng ka tsela e Jehofa a busang ka yone seno se tla re thusa jang fa re bona kgotsa re utlwa dilo dingwe tse di ka dirang gore re tseye letlhakore mo dipolotiking

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 89:37​—Pharologanyo magareng ga go tshepega le go ikanyega ke eng? (cl 281 ¶4-5)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 89:1-24 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Kopa go ithuta Baebele le mongwe yo e seng Mokeresete. (lmd thuto 5 ntlha 5)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mmontshe gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang. (th thuto 9)

6. Tlhalosa Se o Se Dumelang

(5 mets.) Puo. ijwbq 181​—Setlhogo: Baebele E na Le Molaetsa Ofe? (th thuto 2)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 94

7. Melao ya ga Jehofa e re Solegela Molemo

(10 mets.) Motlotlo.

Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore melao e e mo Baebeleng e e buang ka tlhakanelodikobo le lenyalo e gagametse thata, ga e utlwale e bile e feletswe ke nako. A o tlhatswegile pelo gore fa o ikobela melao ya Modimo e tla go solegela molemo?​—Isa 48:17, 18; Bar 12:2.

Baebele e ruta gore botlhe ba ba sa ikobeleng melao ya ga Jehofa “ga ba kitla ba rua Bogosi ba Modimo.” (1Bk 6:9, 10) Mme gone, a lebaka leno ke lone fela le le dirang gore re ikobele melao ya Modimo?

Tshameka BIDIO ya Mabaka a go Nna le Tumelo​—Melao ya Modimo vs Melao ya Me. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Melao ya Modimo ya boitsholo e re sireletsa jang?

8. Dilo Tse Phuthego e Tlhokang go di Ela Tlhoko

(5 mets.)

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 133 le Thapelo