Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

WEBSITE YA JW.ORG

Go Batla Tshedimosetso ka Puo e Nngwe

Go Batla Tshedimosetso ka Puo e Nngwe

Fa o ithuta puo e nngwe kgotsa o batla go bontsha motho yo o buang puo e sele tshedimosetso mo jw.org, dirisa ditsela tse di latelang go bona tshedimosetso ka puo e o e batlang.

 Tlhagisa Website ka Puo e Sele

Tobetsa Tlhopha Puo go bona dipuo tsotlhe tse di leng teng mo jw.org.

Go tlhagelela letshwao mo molemeng wa puo nngwe le nngwe le le jaaka:

  • Website kgotsa karolo nngwe ya yone e setse e ranoletswe mo puong eno. Tobetsa leina la puo e o e batlang gore website e tlhage ka yone.

  • Website ga e ise e ranolelwe mo puong eo mme go na le dikgatiso tse di ka itseelwang ka puo eno. Tobetsa leina la puo eno go bona lenaane la dikgatiso tse di leng teng.

  • Ke puo ya diatla.

    Fa e le gore karolo e e mo jw.org e setse e ranotswe ka puo ya diatla e o e tlhophileng, e tla nna puo ya site ya gago.

    Fa e le gore jw.org ga ise e ranolelwe mo puong ya diatla e o e tlhophileng, o tla bona lenaane la dikgatiso tse di teng ka puo eo.

E re ka go na le dipuo di le dintsi mo lenaaneng leo, dirisa ditsela tse di latelang go bona puo e o e batlang ka bonako:

  • Tlhopha puo e o e batlang: mo lenaaneng la dipuo go tla tlhagelela dipuo tsa bofelo tse nnè tse o kileng wa di tlhopha.

  • Kwala leina la puo e o e batlang: Kwala ditlhaka dingwe tsa leina la puo eo ka puo ya gago kgotsa ka puo eo. Ka sekai, fa e le gore o tsene mo Internet ka Setswana mme o batla go tsena ka Seesemane o ka kwala “English” kgotsa “Seesemane.” Fa o ntse o kwala ditlhaka tseo, go tla tlhaga fela dipuo tse di nang le ditlhaka tseo.

 Tlhagisa Tsebe ka Puo e Sele

Tsela ya Ntlha: Dirisa tsela eno mo ditsebeng tse di nang le lenaane la dipuo la Bala ka.

Ya kwa setlhogong se o batlang go se bala kgotsa go se bontsha mongwe. Go tswa foo o bo o ya kwa lenaaneng la dipuo la Bala ka go bona puo e o e batlang. (Fa e le gore puo e o e batlang ga e yo mo lenaaneng la dipuo la Bala ka, seno se raya gore setlhogo seo ga se ise se nne teng ka puo eo.)

Kakantsho: Mo lenaaneng la dipuo la Bala ka, di-headset tse di ka fa molemeng wa leina la puo di bontsha gore setlhogo seo se rekotilwe ka puo eo.

Fa o tlhagisa setlhogo ka puo e nngwe o dirisa lenaane la Bala ka, puo ya setlhogo seo ke yone fela e fetogang.

Tsela ya bobedi: Fa e le gore setlhogo se o se balang ga se na lenaane la dipuo la Bala ka, dirisa Tlhopha Puo go bala ka puo e o e batlang. Fa e le gore setlhogo se o se balang se teng ka puo e o e tlhophileng, se tla tlhagelela. Fa se seo ka puo eo, o tla isiwa kwa tsebeng ya TSHIMOLOGO ka puo e o e tlhophileng.

 Batla Kgatiso ka Puo e Sele

Tsena mo DIKGATISO > DILWANA TSE DI BONTSHIWANG. Tlhopha puo mo lenaaneng la dipuo o bo o tobetsa Senka.

Dirisa dikarolo tse di latelang go bona puo e o e batlang ka bonako:

  • Tlhopha puo e o e batlang: mo lenaaneng la dipuo go tla tlhagelela dipuo tsa bofelo tse nnè tse o kileng wa di tlhopha.

  • Kwala leina la puo e o e batlang: Kwala ditlhaka dingwe tsa leina la puo eo, o ka kwala ka puo ya gago kgotsa ka puo eo. Ka sekai, fa e le gore o tsene mo Internet ka Setswana mme o batla go tsena ka Seesemane o ka kwala “English” kgotsa “Seesemane.” Fa o ntse o kwala ditlhaka tseo, go tla tlhaga fela dipuo tse di nang le ditlhaka tseo.

Fa go na le dikgatiso di le dintsi ka puo e o e tlhophileng, tsebe ya DILWANA TSE DI BONTSHIWANG e tla tlhagisa di le mmalwa fela. Fa o batla dikgatiso tse dingwe, ya kwa tsebeng ya dikgatiso (ka sekai, DIBUKA & DIBUKANA kgotsa DIMAKASINE).

Fa dikgatiso tseo di seo ka puo e o e tlhophileng, o tla bona di-link tse di go bontshang gore ke dikgatiso dife tse di leng teng.