Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW BROADCASTING

Leba Dibidio mo Amazon Fire TV

Leba Dibidio mo Amazon Fire TV

Fa o tsena mo Video on Demand, o kgona go leba dibidio tse di mo JW Broadcasting e bile o kgona go di emisa fa di tshameka, go fetisetsa bidio kwa pele kgotsa go tlola karolo nngwe ya bidio e o sa batleng go e bona. Mo karolong eno, o kgona go leba bidio e le nngwe kgotsa dibidio tse di farologaneng.

(Ela Tlhoko: Remote ya gago e ka tswa e sa tshwane le e e mo sekirining seno.)

Tobetsa Video on Demand gore o bone dibidio tsotlhe tse di gone mo karolong eo. Latela dikgato tse di latelang fa o batla bidio le fa o batla go e tshameka:

 Batla Bidio

Dirisa remote ya Amazon Fire TV go batla dibidio tse di farologaneng. Tobetsa remote mo gare fa o batla go tshwaya karolo e e rileng ya dibidio.

Dibidio di rulagantswe go ya ka mefuta ya tsone. Ka sekai, bidio ya Seganana se a Boa e tlhaga mo karolong ya Movies, Family le Teenagers.

Karolo nngwe le nngwe e na le dibidio tsa yone mme leina la karolo eo le tlhagelela kwa godimo.

Dirisa remote go leba dibidio tse di farologaneng:

  • Tobetsa remote jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno fa o batla go bona dikarolo tse di farologaneng.

  • Tobetsa remote jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno fa o batla go bona dibidio tse di farologaneng.

  • Karolo nngwe le nngwe ya dibidio e na le mafoko a a reng Play All. E tobetse fa o batla go tshameka dibidio tsotlhe tse di mo karolong eo, go simolola ka ya ntlha. Dibidio di tla emisa fa di sena go tshameka tsotlhe.

Tobetsa bidio mme dintlha tsa bidio eo di tla tlhaga mo sekirining.

O ka tlhopha go dira jaana:

  • Tobetsa Play fa o batla go tshameka bidio go tloga kwa tshimologong.

  • Tobetsa Play All fa o batla go tshameka dibidio tsotlhe, go simolola ka e o setseng o e butse. Dibidio di tla emisa fa di sena go tshameka tsotlhe.

  • Tobetsa Resume fa o batla go tshameka bidio go tswa kwa o neng o e emisitse gone.

Dibidio tse di fa tlase ga karolo ya Resume le Play All ke tsa karolo ya bidio e o e butseng. Tobetsa remote kwa tlase mo sedikong fa o batla go leba dibidio tse di mo karolong eno kgotsa tobetsa remote kwa godimo mo sedikong fa o batla go bona dintlha tsa bidio e o e butseng.

 Tshameka Bidio ka Tsela e o Batlang ka Yone

Fa o tshameka bidio mo Video on Demand, o kgona go dirisa remote ya Amazon Fire TV go dira dilo tse di latelang:

  • Tobetsa Play kgotsa Pause fa o batla go emisa bidio le go e tshameka gape.

  • Tobetsa remote ka fa mojeng fa o batla go dira gore bidio e tshameke ka bonako. Fa e fitlha mo o neng o e batla teng, tobetsa Play gore e tshameke.

  • Tobetsa remote ka fa molemeng fa o batla go boela kwa bidio e simolotseng go tshameka teng. Fa e fitlha mo o neng o e batla teng, tobetsa Play gore e tshameke.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla go boela kwa sekirining se se bontshang dintlha tsa bidio e o e butseng.

 Leba Dibidio Tsa Bosheng Kgotsa Tse di Teng

Mo sekirining sa JW Broadcasting, go na le dikarolo tse pedi tse di kgethegileng mo Video on Demand:

  1. Featured: Dibidio tse di amanang le dipokano tsa rona tsa beke le beke kgotsa kobamelo ya lelapa.

  2. Latest Videos: Dibidio tsa bosheng.