JW BROADCASTING
Tsenya App ya JW Broadcasting mo Apple TV
Pele o leba JW Broadcasting mo Apple TV, o tlhoka go di tsenya mo sedirisiweng sa gago. Latela ditaelo tse di latelang pele o simolola:
Tsenya Apple TV mo Sedirisiweng sa Gago
Fa o reka Apple TV e tshwanetse go tswa ka ditaelo tse di go bontshang gore o e tsenye jang mo Internet. Fa o feditse go tsenya Apple TV, latela ditaelo tse di mo sekirining.
Tsenya JW Broadcasting go Tswa mo App Store
Tsena mo App Store o bo o tsenya JW Broadcasting o latela dikgato tse di latelang:
Tsaya remote mme o swaepele ka fa mojeng go fitlha mafoko a a reng Search a tlhaga mo sekirining.
Tobetsa Search o bo o dirisa dialefabete go kwala mafoko a a reng “JW Broadcasting.”
Kgotsa o ka tsaya remote o bo o bua o re “JW Broadcasting.”
Tshwaya app o bo o tobetsa mo go yone.
Latela ditaelo tse di mo sekirining go tsenya app eo mo sedirisiweng sa gago.